DINTLHAKGOLO
KE A ITSHIRELETSA (TSHWANE), WENA? (MOLEMIRUI)
THUSANANG - ITSE MOAGISANI WA GAGO!
THULAGANYO YA TSHIRELETSO YA SELEGAE KE YA GAGO, - E DIRE YA
GAGO TOTA!
BUISA, DIRAGATSA MME O NNE LE SEABE MO BDS!
SAPS E BATLA GO THUSANA LE BALEMIRUI MO THIBELONG YA
DITLHASELO TSA DIPOLASE!
RONA (SAPS) RE SIAMETSE GO DIRELA BATLAMEDI (BALEMIRUI) BA
SETŠHABA KA DIJO!
DIKGATO TSA MMATOTA TSA TSHIRELETSO
Legora la terata go dikologa ntlo le diheke tse di lotlelwang le botoka go na le lobota lo lo kwa godimo ka ntata ya go bonalatsa ga legora la terata. Terata ya logare, terata ya mebitlwa, dithini tse di lolea kgotsa ditshipi di ka gokelelwa mo legoreng go oketsa kgonagalo ya tsiboso ya ka bonako. Gakologelwa gore diheke di tshwanetse go nna di lotletswe.
Diheke tsa tshireletso ka diloko tse di thata fa pele ga setswalo sengwe le sengwe sa kwa ntle, gammogo le ditshipi tsa tshireletso fa letlhabaphefong lengwe le lengwe. Diheke tsa tshireletso di nne di lotletswe ka dinako tsotlhe.
Heke ya tshireletso e e ka fa teng ga ntlo e e kgaoganyang karolo ya marobalo le ntlo yotlhe e ka nna mosola thata fa go na le go tsenwa mo ntlong ka dikgoka. Segokaganyi sa tshireletso se tshwanetse go tsenngwa mo karolong e.
Dithunya di tshwanetse gore di nne gaufi ka dinako tsotlhe, mme fa go kgonagalang motho a se tshole mo go ena. Netefatsa gore dibetsa di a tsosolosiwa ka gale le gore motho yo o se tshotseng o siametse go se dirisa.
Saerini/Alamo kwa godimo ga dityhulelo e na le dikgonotswe tse di mmalwanyana ka fa teng ga ntlo e ka utlwala kgakala fa mekgwa mengwe ya tlhaeletsano e sa dire. Go botlhokwa go lekelela didiriswa tse kgafetsakgafetsa go netefatsa gore di ka utlwala kgakala.
Dintšwa tse di tlhokomelang le maganse ke ditsibosi tse di siameng thata. A di nne di lotleletswe gaufi le ntlo gore batho ba ba sa tlwaelegang ba se di fitlhelele bonolo.
MATSHWAO A TSIBOSO A KA BONAKO
Batho ba ba sa itsegeng ba ba leng teng, kgotsa ba ba sasankang gaufi le lefelo kwa ntle ga lebaka lepe le le tlhaloganyesegang.
Dikoloi tse di sa tlwaelegang di dirisa ditsela tsa polase kgotsa di ema mo polaseng. Lebelela metlhala e e sa itsegeng.
Go tswa mo mokgweng o o tlwaelegileng ga badiri. Go dirisa kgotsa go reka dijo ka bontsi ga badiri. Go fetoga ga maitsholo a badiri ba ba leng teng ka bonako fela fa go sena go thapiwa modiri yo mošwa.
Go swa ga ntšwa e e tlhokomelang ka tsela e e sa tlhaloganyesegeng.
Tlhokomela bosupi ba go nna teng ga basasanki, sekai dibotlolo kgotsa meteme e e lolea, masaledi a dipampiri, dikonopi tse di kgaogileng, matsela a a gagoileng, metlhala ya maoto kgotsa ya ditlhako, melelo e e timileng gaufi le polase, mesima ya metsi le mariba a noka, masaledi a dijo, ditompo tsa disakarete, mabokoso a a lolea, mantle, megala, j.j.
Go utswiwa ga dijo, lookwane, loruo le diphologolo.
Baeng ba ba etelang bonno jwa gago e kete ka mabaka a a utlwalang mme ba leka go bona dilo dingwe ka bokhukhuntshwane.
MEKGWA MENGWE E E SIAMENG YA TSHIRELETSEGO
Emela ditshwanelo tsa gago jaaka mong wa polase. Baeng ba ba tsenang mo polaseng ya gago kgotsa ba etela badiri ba tshwanetse go bona tetla ya gago pele. Ikgolaganye le sepodisi sa selegae ka ga se Molao o go letlang go se dira le gore o ka diragatsa se jang mo polaseng ya gago.
Badiri ba mo polaseng
Nna le dikamano tse dintle le badiri.
Nna le dikhopi tsa makwaloitshupo otlhe a badiri
Rotloetsa badiri botlhe go tlhokomela mabaka a tshireletsego le go bega bosenyi jotlhe.
Duela badiri ba gago tebang le dintlha le tshedimosetso e e mosola.
O se ka wa letlelela mongwe le mongwe mo polaseng kgotsa mo ntlong ya gago kwa ntle ga go netefatsa sentle gore ke bomang, segolo thata bosigo.
Didiriswa tsotlhe tse di ka dirisiwang jaaka dibetsa di tshwanetse go lotlelelwa fa di sa dirisiwe.
Tlosa dilotlolo tsotlhe mo dikoloing fa di sa dirisiwe.
Fa o tswa mo ntlong itlwaetse go itsise moagisani gore o ya kae, tsela e o tla e tsayang le gore o ikaelela go bowa leng.
Lekelela mogala wa gago kgafetsakgafetsa go netefatsa gore o dira sentle. Mogala wa gago o bewe mo lefelong le le fitlhelelwang bonolo mo ntlong, mme o sa lebagana le fa o ka thuntshiwang kgotsa o sa lebagana le letlhabaphefo.
Ka gale tshola totšhe bosigo, mme fa o dirisa totšhe tlhokomela gore ga e bontshe seemo sa gago.
Nna kelotlhoko kgatlhanong le bogodu jwa lookwane le dithoto.
Fetola ditiro tsa gago tsa letsatsi.
Itlwaetse go se robale ka bonako fa o fetsa go tima dipone. Nna o phaphame nakonyana. O se ke wa robala mo lefelong le e leng gore o a bonala go tswa kwa ntle.
O se ka wa ema fa pele fa matlhabaphefo fa o bula le go tswala digaretene. Tsamaya le garetene gore o se ka wa itlhagisa jaaka motswasetlhabelo.
Tsaya ditshwantsho le go gatisa menwana ya badiri botlhe ba gago. Le fa di sa dirisiwe di simetse go nna dikgoreletsi tsa bosenyi.
Ikatiso ka tlhobolo kgafetsakgafetsa (mo go babalesegileng) ke sekgoreletsi se se siameng mo mothong yo nang le maikaelelo a go senya.
Ruta bana ba gago mokgwa o o siameng wa go araba mogala gammogo le go tila puisano le batho ba ba sa ba itseng kgotsa go amogela dimpho go tswa mo bathing ba ba sa ba itseng.
Akanya - o se ka wa tshoga. Taolo ke kgato ya ntlha ya gago ya boiphemelo.
Sekaseka maemo - a go na le mongwe fa gautshwane? Dira modumo ka fa go ka kgonagalang.
Ga go eletsege gore o nne kgatlhanong le motlhasedi ntle le fa e le gore go tla go thusa go falola KA MOTSOTSO OO .
Fa go ka diragala ka bonako fela gore o lwe, o se ka wa boela morago. O gobatse motlhasedi. Kganela motlhasedi wa gago go suta ka go dirisa maano a go itshireletsa go fitlhela o bona thuso kgotsa o kgona go falola.
Fa go sa kgonagale gore o ka lwa, leka go bona matshwao a tshupo. Lekanyetsa dingwaga, seemo, mmala wa moriri, mabadi, diaparo, puo le mekgwa ya maitsholo a motlhasedi.
Leka ka bojotlhe go tlogela sesupo mo lefelong la tlhaselo. Metlhala ya menwana, disakatuku, dibenya kgotsa mofuta mongwe le mongwe wa ikitsiso o ka go tswela mosola moragonyana.
Batho ba e kabong e nnile batlhokofadiwa ba falotse tlhaselo ka go buisana sentle le batlhasedi ba bone (go ipuelela go tswa mo kotsing).
